![cover image](https://wikiwandv2-19431.kxcdn.com/_next/image?url=https://upload.wikimedia.org/wikipedia/commons/thumb/1/11/South_Africa_2001_Tswana_speakers_proportion_map.svg/langtn-640px-South_Africa_2001_Tswana_speakers_proportion_map.svg.png&w=640&q=50)
Setswana
From Wikipedia, the free encyclopedia
Setswana ke teme e e buiwang mo mafatsheng a Aforika Borwa, Botswana, Namibia le Zimbabwe. Ke nngwe ya diteme tsa Bantu tse di welang kaha tlase ga tsa Niger-Congo, sone Setswana mme se wela mo kaleng ya Sotho-Tswana mo kaleng ya Kgaolo S (S.30), mme se sikana thata le diteme tsa Sesotho le Sepedi, gape le diteme tsa Sekgalagadi le Serotse.
Setswana | |
---|---|
Setswana | |
Native to | Botswana, Aforika Borwa, Sempakwe, Namibia |
Language family | Niger–Congo
|
Language codes | |
ISO 639-1 | tn |
ISO 639-2 | tsn |
ISO 639-3 | tsn |
Guthrie code | S.31 [1] |
Linguasphere | 99-AUT-eg incl. varieties 99-AUT-ega to 99-AUT-egn |
![Thumb image](http://upload.wikimedia.org/wikipedia/commons/thumb/1/11/South_Africa_2001_Tswana_speakers_proportion_map.svg/640px-South_Africa_2001_Tswana_speakers_proportion_map.svg.png)
Setswana ke nngwe ya diteme tsa semmuso kwa Aforika Borwa, fa kwa Botswana gone e le puo ee tsewang e le yone ya lefatshe ka bophara. Bontsi jwa babua-Setswana ba fitlhelwa kwa botsheka jwa Aforika Borwa kwa batho ba dipalo di le bo-didikadike di le nne ba se buang. Go na gape le tengwana e e buiwang kwa toropong ya Pretoria le mabapi e e bidiwang Sepitori, tengwana ena ke yone teme-konokono ya toropo ena.
E tswa Setswana se buiwa thata mo mafatsheng a Botswana le Aforika Borwa, go na gape le dipalwana tsa babui ba Setswana mo mafatsheng-oo-mabedi a Namibia le Sempakwe; kwa Sempakwe ga go tlhomamisege gore bakae, fa kwa Namibia ba balelwa kwa go bo-dikete di le some.