Molelwaditshwanelo wa Basarwa From Wikipedia, the free encyclopedia
Roy Sesana (o tshotswe ka 1950) ke molweladitshwanelo wa Basarwa yo o neng a bereka mmogo le batho ba ntlha ba Kalahari go lwela ditshwanelo tsa morafe wa gagwe.
Roy Sesana | |
---|---|
Tsalo | c. 1950 Molapo, Bechuanaland Protectorate (now Botswana) |
O itsegi ka | Human rights defender |
O fetheletse | Right Livelihood Award |
Scientific career | |
Fields | Traditional medicine man Human rights |
Institutions | First People of the Kalahari |
Sesana o ntse kwa New Xade ko legareng la sekaka sa Kalahari a bereka e le ngaka ya setso. Moragonyana o ne a ya go nna kwa Aferika Borwa sebaka sa dingwaga tse pedi, mme a boela batho ba morafe wa gagwe ka ngwaga wa 1971 a tla go nna le bone kwa sekakeng. Ke mmusi wa BaGana, BaGwi le Bakgalagadi ‘Basarwa'.[1] Ka 1991, o ne a kopana le batho ba ntlha ba Kalahari le John Hardbattle, go rotloetsa botshelo jwa setso. Ka ngwaga wa 1997, setlhopha sa Basarwa ba ba sa ntseng ba tshela kwa Central Kalahari Game Reserve ba ne ba fudusediwa kwa toropong e ntsha ya New Xade. Puso e ne ya supa fa se e le ka go bo go tlhaloganngwa gore go nna kwa lefelong la tlhokomelo diphologolo go kgoreletsa tlhokomelo ya tsone. Puso e ne ya bolela gape gore e retelelwa ke go neela batho ba dikago le ditirelo fa ba nna kwa lefelong ka mabaka a a builweng fa godimo. Setlhopha sa Basarwa se emetswe ke batho ba ntlha go nna kwa Kalahari ba ne ba gana go fuduga, ba supa fa go na le dilo tse di sa ba kgotsofatseng kwa lefelong le lesha, botshelo jo ba sa bo tlwaelang le mathata a selegae jaaka go tlhoka ditiro, nnotagi le malwetsi segolo bogolo bolwetse jwa HIV-AIDS. Ka ngwaga wa 1995, Roy o ne a nna kgosana ya FPK. O etetse mafatshe a tshwana le la Europa le la Amerika makgetho a le mantsi e le maiteko a go kganela puso ya Botswana go ba pateletsa go fuduga kwa lefelong la bone.[2]
Ka ngwaga wa 2002, batho ba ntlha kwa Kalahari ba ne ba isa puso ya Botswana kwa kgotlatshekelong go kopela batho ba ba fudusitsweng tshwanelo ya go boela kwa lefelong la tlhokomelo diphologolo. Kgang e e ne ya tsaya lobaka ya bo ya kgatlha batho ba mafatshefatshe. Ka ngwaga wa 2006, kgwedi ya Morule e le malatsi a le lesome le boraro, kgotlatshekelo ya Botswana e ne ya atlhola e supa tumalano le Basarwa ba supa fa go se ka fa molaong go ba ntsha mo lefelong la bone.[3]
Ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2005, Sesana o ne a tshwarelwa go dira diphuduego le go leka go tsena kwa CKGR ka dikgoka, mme o ne a bulelwa morago ga malatsi a le mmalwa.[4] O ne a amogela seetsele sa Right Livelihood sa go ikemela ka dinao kgatlhanong le go kobiwa mo lefelong la badimo ba bone le go lwela tshwanelo ya ngwao ya bone.
Seamless Wikipedia browsing. On steroids.
Every time you click a link to Wikipedia, Wiktionary or Wikiquote in your browser's search results, it will show the modern Wikiwand interface.
Wikiwand extension is a five stars, simple, with minimum permission required to keep your browsing private, safe and transparent.