Phetogo ya seemo sa loapi kwa Kenya
From Wikipedia, the free encyclopedia
Phetogo ya seemo sa loapi ke matshosetsi a a tsweletseng ka go golela pele mo kgolong ya itsholelo[1] le go tshegetsa tikologo. Mafatshe a a tlhabologang ebile a le ko tlase mo go itepatepanyeng le seemo gape a tshabelelwa ke go amega, a amega thata. Phetogo ya loapi kwa Kenya e tsweletse ka go ama matshelo a batho ba Kenya le tikologo.[1] Phetogo ya loapi e bakile diemo tsa bosa tse di maswe thata jaaka komelelo e e tsayang lobaka go gaisa jaaka go tlwaelesegile, pula e e nang ka fa go sa tlwaelesegang ebile e na e sa solofelwa, merwalela le mogote o o tsweletseng ka go golela pele.
Ditlamorago tsa phetogo e ya loapi di okeditse mathata a a ntseng a le teng a tlhomamisego ya metsi, tlhomamisego ya dijo, le kgolo ya itsholelo. Thobo le tsa temothuo tse e leng 33% [2]ya dipoelo tsa tse di dirwang mo gae,[3] le tsone di mo kotsing. Mogote o o goletseng kwa godimo, go farologana ga ka fa pula e nang ka teng mo mafelong a sekaka le a a omeletseng bontlha bongwe, le diphefo tse di nonofileng tsedi amangwang le ditsuatsue, ke maemo a a bakang go gola le go fuduga ga disenyi.[4] Koketsego ya mogote go ya kwa go 2.5 degrees celcius ka ngwaga wa 2050, go akanyediwa fa go tla baka gore seemo sa bosa se se maswe jaaka merwalela le komelelo di direge kgapetsakgapetsa.[1]
Diemo tse di mogote ebile di omeletse kwa go leng sekaka le kwa go omeletseng bontlha bongwe di dira gore merwalela le komelelo tse di bakiwang ke phetgo ya seemo sa bosa e e maswe go nne diphatsa le go gaisa. Baagi ba ba nnang gaufi le metswedi ya metsi ba setse ba itemogela tlhatlogo ya metsi a lewatle le mathata a mangwe jaaka go kgotlhelwa ga metsi a a nowang ke metsi a a letswai a lewatle.[1] Dinoka tsa Victoria, Turkana le tse dingwe di oketsegile ka botona ka dingwaga tsa 2010 go tsena ka 2020,[5] di baka merwalela mo baaging ba ba nnang go bapa le dinoka tseo.[6] Dilo tse tsotlhe di ama batho ba ab mo kotsing jaaka batho ba ba senang ditshono, jaaka bomme le basha.[3]