Phatlalatso ya metsi le kgopo leswe mo kgaolong ya Sub-Saharan Africa
From Wikipedia, the free encyclopedia
Le fa go bona metsi le kgopo leswe mo kgaolong ya Sub-Saharan Africa go ntse go tokafala ka bonya mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di fetileng, kgaolo e santse e saletse kwa morago fa e tshwantshangwa le dikgaolo tse dingwe tse di santseng di tlhabologa. Go bona metsi mo go tlhabolotsweng go oketsegile go tswa kwa go 49% ka 1990 go ya kwa go 68% ka 2015,[1] fa go bona kgopo leswe e e tlhabolotsweng gone go oketsegile fela go tswa kwa go 28% go ya kwa go 31% mo nakong e e tshwanang. Kgaolo ya Sub-Saharan Africa ga ya kgona go fitlhelela seelo sa Millennium Development Goals (MDG's, 1990 - 2015) sa go kgona go fa sephatlo sa palo ya batho metsi a a babalesegileng le kgopo leswe ka dingwaga tsa 1990 go tsena ka 2015.[2] Go santse go na le tlhoka tekatekanyo mo mafatsheng a a mo Sub-Saharan Africa, le gareng ga ditoropo le magae. Di MDG di beile seelo sa mafatshefatshe sa go fokotsa phatlalatso metsi le kgopo leswe e esa tlhomamang mme jaanong dieelo tse dintsha di teng ka fa tlase ga Sustainable Development Goals (SDGs, 2016 - 2030.) Di MDG di ne tsa rebola gore fokodiwa palo ya batho ba aba sa boneng metsi le kgopo leswe ka sephatlo, fa SDG tsone di re batho lefatshe ka bophara ba kgone go bona dithuso tseo, go fokodiwa tlhoka tekatekano, gape go akarediwe bophepa fa godimo ga metsi le kgopo leswe. Sustainable Development Goal SDG6 e itebagantse le go netafatsa gore metsi a nna teng ka dinako tsotlhe le baokamedi ba ba maleba mo go tsa metsi le kgopo leswe.[3]
Gantsi metsi a phatlaladiwa ke maphata a metsi kwa ditoropong le bommasepala kana ditlhopha tsa sechaba kwa magaeng. Mafarafatlha a kgopo leswe ga a tlwaelesega, go tlhatswa metsi a a leswe gone ga go a tlwaelesega le go gaisa. Kgopo leswe gantsi e dirwa mo matlong a boithomelo a batho ka bongwe ka bongwe kgotsa mo go a a tlhakanetsweng. 70% ya dipeeletso mo phatlalatsong ya metsi le kgopo leswe mo Sub-Saharan Africa di dirwa mo kgaolong, fa 30% a dirwa go tswa kwa ntle ga kgaolo (2001 - 2005 e le palogare). Bontsi jwa madi a atswang mo kgaolong ke madi a malwapa ($2.1bn), a eleng a go gopa leswe mo matlong a boithomelo. Dipeeletso go tswa mo pusong ($1.2bn) a lekana le a a tswang kwa ntle (US$1.4bn). Seabe sa maphata a a ikemetseng ka nosi ga se bonale thata ka ke $10 million fela.