Phatlalatso ya metsi le kgopo leswe kwa Egypt
From Wikipedia, the free encyclopedia
Phatlalatso ya metsi a a nowang le kgopo leswe kwa Egypt e bonwa ka tse ba di fitlheletseng le dikgwetlho. Dingwe tsa tse ba di fitlheletseng ke koketsego ya metsi a a tsamayang ka diphaepe ka dingwaga tsa 1998 le 2006 go tswa kwa go 89% go fitlha kwa go 100% kwa ditoropong le 39% go tsena ka 93% kwa magaeng le ntswa dipalo tsa batho di ne di golela kwa godimo ka lobelo lo logolo; go emisiwa ga go ithomela kwa ntle mo magaeng ka nako yone e o; le go ya godimo ga go beeletsa madi mo dikagong. Kgonagalo ya go bona metsi kwa Egypt janong e kwa godimo ka 98%. Mo go tsa dikgwebo, melao le ditirelo di kgaogantswe ka tshimolodiso ya kompone ya metsi ya national Holding Company for Water and Wastewater ka ngwaga wa 2004, le kompone e e laolang itsholelo ya Water Regulatory Agency (EWRA) ka ngwaga wa 2006,[1] mme dikgwetlho tse dintsi di santse di le teng. Ke sephatlo fela sa batho se se gokagantsweng le mesele e e gopang leswe.[2] Bana ba le dikete di le masome a matlhano ba latlhegelwa ke matshelo ngwaga le ngwaga ka ntlha ya letshololo le bontlha bongwe jwa lone bo bakiwang ke gore kgopo leswe e akaretsa palo fela e e potlana.[3] Kgwetlho e nngwe ke bo ko tlase jwa poelo ya ditshenyegelo ka go lopiwa dituelo tsa metsi tse di kwa tlase lefatshe ka bophara. Ka jaana go felela go tlhoka gore puso e duele madi a a setseng le a go tsamaisa ditirelo tse, seemo se se gakaditswe ke koketso ya dituelo mme go sa okediwe ditlhwatlhwa morago ga Arab Spring. Go dirisa didirisiwa tse di tshwanang le madirelo a go tlhatswa metsi mo go maemo a a kwa tlase le go tlhoka go tsaya maikarabelo ga puso ke dingwe tsa mathata a a lebaganeng kgang e.
Dithuso tsa madi le botegeniki go tswa kwa America, European Union, France, Germany, World Bank le tse dingwe di tswelela di tlhokafala thata.Baabi go tswa kwa bophirima le bone ba sale ba rotloetsa diphetogo mo lekalaneng le ka maikaelelo a go tlhatlhosa dipoelo tsa ditshenyegelo le go tokafatsa diterelo. Ba ba ikemetseng ka nosi ga ba kgone go dira go le gontsi fa e se fela go aga- go dira - le go fudusa (Build-Operate-Transfer) tiro ba direla madirelo a a tlhatswang metsi.