Mosadi
From Wikipedia, the free encyclopedia
Mosadi ke motho yo o monamagadi. Lentswe la mosadi le dirisiwa segolo go mogodi, fa lentswe le mosetsana e le lentswe le ka setlwaedi le beetsweng ngwana kgotsa moadolesente yo o monamagadi. Lentswe le mosadi gape le dirisiwa ka gale go supa motho yo o monamagadi go sa lebelelwa mengwaga, jaaka le dirisiwa mo difreising tsa go tshwana le "ditokelo tsa basadi" "women's rights". "Mosadi" gape le ka nne la raya boikayo-bong jwa motho (person's gender identity.[1]). Basadi bao ba nang le bokao ba tlhago gantsi ba kgona go ka tsala/tshola [giving birth] go tloga ka nako ya puberty go fitlha ka menopause. Go ya ka go ikaya-bong, batho ba ba tlolagantshitseng bong [transgender people] bao ka botsalo go lepilweng gore ke ba ba botona [determined to be male] mme ba ikaya e le basadi ga ba kgone go ka tsala/tshola. Bangwe batho [ba-intersex] ba ba ikayang e le basadi ga ba kgone go ka tsala ka ntlha ya gongwe e le fa ba sterilaisitse sterility kgotsa ba gotsitse Y khromosounu [inheriting Y chromosomes] e le nngwe kgotsa go feta. Ka sewelo mo mabakeng a a rileng/a a tswileng thata, batho bao ba nang le Swyer syndrome ba ka tsala/tshola ka thuso ya melemo [medical assistance]. Go phunyeletsa ka ditso kgotsa ka histori basadi ba itseetse kgotsa ba tshwaetswe go tsea dikarolo tsa mehutahuta.