Gaborone
Toropokgolo ya Botswana / From Wikipedia, the free encyclopedia
Gaborone,ke leina le le gatisitsweng kana le le biditsweng go reelela toropo ka Kgosi Gaborone. Gaborone ke toropo kgolo mo Botswana, e na le palo ya batho ba le 231,626. Dipalo tse di gatisitswe ka ngwaga wa 2011 go ya ka dipatlisiso tsa ba palo batho,[9] se e le sesupo sa gore 10% ya Botswana jotlhe ka bophara e kwa Gaborone.
Toropo ya Gaborone | |
---|---|
From top to bottom: skyline view of Gaborone, statue of Seretse Khama, the city centre of Gaborone, bird's-eye view of Gaborone | |
Nickname(s): Gabs, GC, Gabz, G-CityG-City,Moshate | |
Naga | Botswana |
Kgaolo | Gaborone |
Kgaolo-potlana | Gaborone |
Founded | 1964[1] |
Named for | Kgosi Gaborone |
Government | |
• Type | City commission government |
• Body | Gaborone City Council |
• Mayor | Thata Father Maphongo[2] (BCP) |
• Deputy Mayor | Seikise "Lotty" Manyepedza[3] (BCP) |
Area | |
• City | 169 km2 (65 sq mi) |
Elevation | 983 m (3,225 ft) |
Palo batho (2011)[6] | |
• City | 231,626 |
• Density | 1,400/km2 (3,500/sq mi) |
• Metro | 421,907 |
Time zone | UTC+2 (Central Africa Time) |
• Summer (DST) | UTC+2 (not observed) |
Geographical area code[7][8] | 3XX |
ISO 3166 code | BW-SE |
Website | Gaborone City Council Website |
Toropo ya Gaborone e agetswe fa gare ga thaba ya Kgale le Oodi, fa nokeng ya Notwane, mo borwabotlhaba jwa Botswana, gape e gaufi le molelwane wa Aforika borwa.[10] Toropo e e, nale lebala la difofane la Sir Seretse Khama kwa difofane di gorogelang teng. Ke kgaolo ya bodiredi le boeteledipele ka bo yone, gape ke motsemogolo wa kgaolo ya metse e e mo borwabotlhaba.[11] Banni ba Botswana ba bitsa toropo e ba re Gabs kana GC fa ba e boka .[12]
Gaborone o ne a agiwa go nna motsemogolo ka ngwaga wa 1960 fa lefatshe la Bechuanaland Protectorate le tsaya puso, fa e nna lefatshe le le ikemetseng ka nosi. Mo gare ga toropo e go na le madirelo a dikgwebo, marekisetso, le mafelo a ga goromente a agilweng kwa bophirima jwa marekisetso . Toropo e ke nngwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng, se se bakile mathata a tlhaelo ya lefatshe le go ipaya mo go seng ka fa molaong. Toropo e e nale dikgotlhang tse di tsenang mo lefatsheng go tswa ko Zimbabwe le Aforika Borwa ka ngwaga wa 1980.
Gaborone ke motsemogolo gape ke toropo ya itsholelo; toropo ya bokopanelo jwa dikomponi le go fetola madi mo Botswana. Gaborone gape ke legae la Sethopha sa thabololo sa Aforika (SADC) komponi ya dichaba, ka tsholofelo ya go godisa itsholelo.