From Wikipedia, the free encyclopedia
Ada Afoluwake Ogunkeye (o tshotswe ka kgwedi ya ngwanaatsele a le 25 ngwaga wa 1986)yo o itseweng ka leina la Folu Storms,e leng moemedi le mogasi wa radio mo Nigeria,modiragatsi,mogasi wa setshikinya ditshwantso.[1][2]
Storms o tsholetswe mo Aguda, Serulele, Lagos State.O tsene sekolo se sepotlana kwa Corona VI,a bo a ya kwa sekolong sa gagwe se segolwane sa ntlha kwa The Lagoon Secondary School,a bo a ya gape kwa St Leonards MayField kwa UK labofelo a bo a tlhatlhogela kwa Aberystwyth University kwa o fetileng a ithuthuntsha ka Bachelor of Laws (LLB) ka ngwaga wa 2005 le 2008.Storms o ne gape a tsena kwa University of Bristol fa a dira Masters of Laws (LLM) ka ngwaga wa 2009.[3]Storms o na le diploma in Broadcast Journalism go tswa kwa Pan-African University.
Radio and Ndani TV
Storms o simolotse tiro ya gagwe e le mmueledi ,pele ga a simolola mo seromamowa 92.3 Inspiration fm ka ngwaga wa 2012.O ne a gaisana ka MTV Base Africa VJ search e bile e ne e le mongwe wa ba bararo ba dikgaisano tsa bofelo.F nako ntse e tsamaya Storms o ne a thapiwa ke kompone ya Nigeria ya Ndani TV e le mogasi le motlhatlhelela dikitso ko o neng a dira The New Africa documentary[4] e e neng ya kgethiwa ka documentary award kwa 2016 Africa Magic Viewers Choice Awards.[5] O ne a tshwaraganetse mokgatho wa Breakast Show kwa Smooth 98.1FM mo Lagos,o ne a santse a dira seo ka ngwaga wa 2019.[6][7]
Storms o ne a ikgapela 2017 Ebony Life e le mogasi wa setshwantsho sa motshikinyego ka ngwaga[8] wa 2018 On-Air Personality award ya Future awards[9] le ELOY Awards.[10]
Seamless Wikipedia browsing. On steroids.
Every time you click a link to Wikipedia, Wiktionary or Wikiquote in your browser's search results, it will show the modern Wikiwand interface.
Wikiwand extension is a five stars, simple, with minimum permission required to keep your browsing private, safe and transparent.