Dikgaolo tsa Aforika Borwa
From Wikipedia, the free encyclopedia
Diprofense tsa Aforika Borwa tse robongwe di arogantswe ka dikarolwana (districts) di le 52, tse eleng dimasepala tsa setoropo, kgotsa e le dimasepala tsa karolwana. Ke legato la bobedi la tlhokomelo, ka fa tlase ga profense, mme e le legato godimo ga dimasepala tsa selegae.
12th amendment ya Constitution ya Aforika Borwa, e e fetotseng dibotara tsa di profense, e dirile gore palo ya dikarolwana e fokotsege, go tloga go 53 go ya go 52. Se sengwe gape se Amendment e e se dirileng, ke gore karolwana e ngwe le e engwe e ka fa gare ga profense e le ngwe fela, ga gona karolwana e e leng ka fa gare ga diprofense go feta nngwe. Dikarolwana tse di akaretsa lefatshe lotlhe la Aforika Borwa. Dikarolwana tse tsa Aforika Borwa di tshwana le di County tsa Dinaga tse di kopaneng tsa Amerika (United States of America) le tsa Brithani o mo golo (Great Britain).